Tuesday, April 29, 2008

PHUTH GÔ E E MO BIBELENG

0083 - Tswana

1. TLHALOSO YA LEFOKO PHUTH GÔ MO BIBELENG? KE ENG?

A. Ka lefoko ja Segerika "Ekklesia", mo go tswang ja Seesimane "church" kegore, "Kokwaanô e e biditsweng."

B "Ka go akaretsa, le dirisiwa tebaganong le kokwaanô ngwe le ngwe e e ne e biletswa lebaka lengwe le lengwe fêla." Sekaô re ka se bôna mo lokwalong lwa Ditihô 19:23_41. Lefoko "Ekklesia" kapo "Phutêgô," le diris iwa gararo, gangwe mo Temaneng ya 32. "Bangwe ba bua se, ba bangwe ba bua se sele; gonne phuthêgô e ne e feretlhegile." Mo, lefoko je, "Phutêgô" le tlhalosa Bathudi ba selefera kapo, bangwe ba bua ba ba dirang tirô e e jalo. Leba tema tsa 24 le 25. Le dirislwa gapê mo temeng ya 39: Fa lo batla sengwe kaga dilô tse dingwe se tla baakangwa mo go e e leng phuthegoe e laotsweng ke molaô. Mo, le lebaganye le lekgotla ja molaô wa Segerika. Tirisô ya jôna ga boraro, e mo temeng ya 41: "Mme e rileba sena go bua jaana, a phatlhalatsa Phuthêgô (Ekklesia). Mo, e tlhalosa Phuthêgô e e tshwanang le e e mo temeng ya 32. Gapê lefoko je, le dirisiwa ka kakaretsô mo Ditihong 7:38, "Yo, ke êna yo o na a le mo phuthegong mo nageng, a nale moengele eo o buileng naê mo thabeng ya Sinai, a bua le borra echo." Mo e tlhalosa kokwaanô ya bana ba Iseraele, ba bidiwa ke Modimo go tswa Egepeto.

C. Jesu o tsaya lefoko je ka kakaretsô a le dirisetsa setlhôpha sengwe, a se bitsa "Phuthêgô". Se, se ka bonwa mo lokwalong loa ga Matthaio 16:18, "Mme ke tla aga" Phuthêgô ya me mo lefikeng je. Ka gongwa o ne a ka re. Ke tla bitsa kokwaanô ya me.

2. DITOKOLOLO TSA PHUTH GÔ MO BIBELENG KE BO MANG?

"Ke batho botlhe ba ba bolokesegileng." "Polokêgô, le Bo_tokololô mo Phuthegong, ke tulô tse di tshwang mo Bibeleng." Bonnete bo ka bônwa ka go bala mo Ditihong 2:47, "Ba baka Modimo, ba bôna botsalanô mo bathung botlhe. Mme Morêna a ba oketsa ka go tlhômagana ga malatsi, ka ba ba bolokwang." Ka moo, re bôna batho ba ne ba bolokêsêga, Modimo a ba dira ditokolo tsaPhuthêgô. Thutô ya re, batho ba ne ba bolokêsêga malatsi otlhe, mme ka mo_o, bônê batho ba ba jalo ba ne ba diriwa ditokololô tsa Phuthêgô ke Modimo.

3. DITOKOLOLO TSA NTLHA TSA THUTÔ MO BEBELENG KE BO MANG?

Karabô ya nnete e ka nna ngwe fêla, ke gore, "Batho ba ba bolokwa pele," Mo lokwalong loa Ditihô, kgaolô ya bobedi, re na le thulaganyô ya batho ba ntlha mo lefatshing ba ba ne ba bolokwa ka tirisô ya Madi a ga Jesu Kreste mo dibeng tsa bônê. Ditihô 2:14_47. Ke gôna mo, mo Kresete o ne a "goeletsa ga ntlha" are "Phuthêgô ya me'e e neng ele mewa e le dikete tse tharo. Batho ba, ba ne ba "Biditswe" ke Keresete, Jaaka ha a na a bua ka molaetsa wa thutô o o neng o balelwa ke Ba-apostoli. Babilediwa ba, e ne ele "kokwaanô ya Gagwê, kgotsa "Phuthêgô" ya gagwê, fa re bua ka puô e e tlhamaletseng , ka ba ne ba rekolotswê ka Madi a gagwê malatsinyana pele ga mo-o. Go ne go se ope yo o neng a ka nna Mo-Kereste pele ga moo-ka Tlhwatlhwa ya Thekololô e ne e ise e ntshiwe go fitlha Papolo.

Fa ke araba potsô e ka nnete:

Ke eng , kapo ke mang yo o bopang Phutêgô e Jesu Kresete a e solofeditseng?

Karabô-Ba-Kresete.

Ke eng se se dirang BaKresete?

Karabô- Mafoko a a Molemô. BaRoma 1:16. "Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhong ke Mafoko a a Molemô, gonne ke ônê thata ya Modimô e e isang polokong", Gapê BaKorintha 15:1,2a. Mme jaana ba ga echo, ke lo itsise Mafoko a a Molemô a ke a ke a lo reretseng, a le Iona lo a amogetseng, le a lo emeng mo go ônê: A lo bileng lo bolokwang ka ôna. Dintlha tsa Polokô ya Iona mo Mafokongi a Molemo ke dife?

Karabô- Loso, Papolo le Tsogô ya Kreste: 1 BaKorinte 15, 3,4. Gonne erile pele Ka lo nêêla mo le nna ke go amogetseng, ebong go re, Kreste o swetse dibe tsa rona kaha dikwalorg; le go re, o ne a hitlhwa, le go re, o tsositswe ka letsatsi ja boraro kafa dikwalong.

Dikwalô tse di simololse go rerwa leng?

Karabô- Ka letsatsi ja Pentecost (Tshologô ya Moea o o Boitshêpô) mo motsing wa Jerusalema, malatsi ale masomê matlhano a sena go bolêwa. Bala Ditihô 2.

Ba ba dikete tse tharo ba ba ne ba diragatsa ga Molaetsa o, ba ne ba nna eng?

Karabô- Ba ne ba nna BaKreste ba ntlha mo le Fatshing.

Jaaka ba ne ba ipopile ba le kokwaanô ngwe BaKreste ba, ba ne ba fetoga eng?

Karabô- Phuthêgô e Jesu o ne a e solofetsa mo go Mathaio 16:18.

4. KE ENG SE SE NENG SE BATLEGA GO BOLOKESEGA KGOTSA, GO NNA TOKOLOLO MO PHUTH GÔNG E E MO BIBELENG?

A. Ba ne ba utlwa mafoko. Ditihô 2:14_37, "Me erile ba tlhwaêlêla mafoko a tsebe....

B. Ba ne ba dumêla lefoko. Ditihô 2:37, "Ba ne ba tlhabêga mo pedung tsa bônê...."

C. Ba ne ba bolelewa gore ba tlhabologê. Ditihô 2:38, "e e reng Mme Petero arei Kwatlhaeng."

D. Botlhe ba ba dumetseng, ba ne ba ipobola tumelô ya bônê, Ka pelo o dumêla fa Morena ele Jesu, mme boipobolô bo dihwa ka molomo go isa polokong.

E. Ba ne ba rêrêlwa gore ba Kolobediwe lob, gore ba bônê Boitshwarêlô jwa dibe tsa bônê, mme ba tla amogêla nêô ya Moea o o Boitshêpô. Mme Petero a ba raya a re, IKwatlhaeng, mme a mongwe le mongwa oa Iona a kolobelediwe boitshwarêlô joa dibe tsa lona mo ineng ja ga Jesu Kreste; Mme, lo tla amogêla nêô ya Moea o o Boitshêpô.

F. Ka go diragatsa se se simolotsweng, ba ne ba bolokêsêga, mme ba bopa 'Phuthêgô" (Ekklesia) e Jesu o ba a e solofeditse mo go. Mathaio 16:18.

5. KGATO E PHUTH GÔ E E MO BIBELENG E NE YA E TSAYA MORAGO GA TSHIMOLOGO E, KE EFE?

Ka ntlha ya pogisô e kgolo, phuthêgô mo Jerusalema e ne ya falalêla mo mafatshing a Judea le Samarea, ba tsamaya ba rera lefoko: Ditihô 8:1_14. Mo mafelong otlhe a Roma, diphuthêgô di ne tsa tlhogwa. Se se ne sa dirêga ka Borongwa jwa ga Moapostoloi Paulose le ba bangwe. Thulaganyô ya tiro e e ka balwa mo go Ditihô.

6. KE MANG TLHOGO YA PHUTH GÔ E E MO BIBELENG?

Kreste ke tlhôgô ya phuthêgô, ka tikangetsô. Mo go BaEfesia 1:22,23 re fitlhêla: Mme a baea dilô cotlhe mo taolong fa tlhase ga dinao tsa gagwê, mme wa mo nêêla phuthêgô gore a nnê tlhôgô ea dilo tsotlhe Phuthêgô e e leng mmele wa gagwê, botlalô jwa gagwê, eo o tlatsang dilô tsôtlhe mo go gotlhe fêla. Kreste o ne a neilwe "Taolô yotlhe." Mathaio 28:18.

7. KE BOMANG ELENG BAKGETHIWA BA MO PHUTH GÔNG YAABIBELE?

A. Tlholegong, ditlhôpha tsa Bakgetiwa di ne di le tlhano: ene ele Baapostoloi, Baprofete, Baevangeli, Bagolwane le Bagogi. BaEfesia 4: 11. "Mme a nêêla bangwe gore ba nne baapostoloi, le ba bangwe gore ba nne baprofeti; le ba bangwe bareri ba mafoko a a molemô; ba bangwe badisa ba Phuthêgô, le ba ruti BaFilipi 1:1; 1 Timotheo 3:3_13: re utlwa go umakwa ka tulô ya Badiakona.

B. Tulô ya ntlha eboug baapostoloi le baprofeta, e ne e le tulô ya lobakanyana. Tulô e, e ne ya fedisiwa, tiro ya teng e sena go fêla.

C. Tulô tse tharo tsa baevangelio, bagolwane le badiakone, ke tulô tse Jaanongdi tlhomamisitsweng mo Bibeleng. Tse ke tsôna tulô tse Modimo o di tlhômamisitseng go laola Phuthêgô. Modimo ga wa leseletsa taolô ya Phuthêgô ya gage mo botlhaleng jwa motho , mme o re file Thul agango ya gagwê ka Lefoko ja gagwê, je le re senole1ang nnete ya tirô tsotlhe tsa gagwe tsa tshiamô: 2 Timotheo 3:16,17.

8. PRUTH GÔ E E MO BIBELENG, E DIRISA TAOLO E E NTSENG JANG?

Ka gotlhe taolô e, ke ya phuthêgô, mme ka molaô wa bagolwane, go thiba diphapaanô mo tsamaisong. Phuthêgô e rerisiwa mo tsamaisong e e tswanetseng go dirwa; me taolô ke ya bagolwane, phetsô ya bônê e okangwe ke tlhôgô ya phuthêgô, Jesu Kresete. Ithute ka kelôtlhôkô mo go Ditito 6:1_16; 11:30; 13:1_13; 20:17; 21:17,18; 2 Korintha 8:19.

9. PHUTH GÔ E E MO BIBELENG E TLHALOSITSE JANG KOBAMELO YA YONE?

Ka tswêlêlôpela ya tlhômamô ka "Thuto" ya Ba apostololi; Kabalanô le Tirisô ya senkgwê wa Boitshêpô, le Thapêlô. Ditihô 2:42.

10. OWA RENG KA KOPANO YA PHUTH GÔ E E MO BIBELENG?

Phuthêgô "Ngwe" fêla e e kaiwang mo Testamenteng e Ntsha, Bongwe jwa yônê bo ka lemogwa mo mafokang a_ E Kaiwa ele mmele o le mongwe: BaEfesia 1:22,23; 1 BaKorintha 12:13.

E bidiwa Letsomane le le lengwe: Yohane 10:16.

E Kaiwa ele "Bogosi". Bogosi bo le Bongwe: Mathaio 16:19.

E bidiwa "Tsela". Tsela e le ngwe: Ditihô 9:2. E bidiwa "Kagô": Kagô e le ngwe: 1 BaKorintha 3:9.

E bidiwa "Ntlo ya Semoea", Ntlo e le ngwe._ 1 Petere 2:5.

E bidiwa "Phuthêgô ya Me" , Phuthêgô e ngwe: Mathaio 16:18.

Kgaganô ngwe ya mmele o, e ne ya sengwal ya baakangwa: 1 BaKorintha 1:10_13; BaRoma 16:17,18.

11. GO NE GO DIRISIWA MAINA AFE MO BATHUNG LE MO PHUTH GÔNG?

A. Go ne go nale maina a a harologanyeng a a ne a fiwa BaKreste, lengwe le lengwe le nale tlhalosô ya jônê. Mangowe a ônê ke a: Baruthwana (Ditihô 6: 1) Ke gore ba ba ithutang. Baitshepi (Ditiho 9:13). Ke gore boitshwarô jwa BaKreste. Bakaulengwe (Ditihô 6:3) Le tlhalosa kagisanyô mo badumeding. BaKreste (Ditihô 11:26). Ke gore Tirô ya rona. "Mongwe wa ga Kreste".

B. Gape go ne go nale maina a mantsi a a ne a dirisediwa diphuthêgô tse di farologonyeng. Mangwe ke a: Phuthêgô (Ditihô 9:31); "Phuthêgô ya Modimô" (1 BaKorintha 1:2); "Phuthêgô ya batsalwa bantlha" (BaHebera 12:23); "Mmele wa ga Kreste" (2 BaKorintha 12:27); "Diphuthegô tsa Baitshepi (1 BaKorintha 14:33); "Diphuthegô tsa ga Kreste" (BaRoma 16:16).

12. TUMELO YA PHUTH GÔ E E MO BIBELENG KE ENG?

Jaaka fa lefoko "Tumê1ô" le tlhalosa gore, "kea dumêla", le kaya Tumêlo e, e raya Polokêsêgô; Tumê1ô ya phuthêgô ya Testamente e Ncha, e ne e seka ya bonwa ka mafoko, mme ka sebele, mme sebele se_o ke: Jesu Kreste. "Mme ga gona poloka mo go opêosele". (Ditihô 4:12; 2 Timotheo 1:12) Motho fa ane a batla polokô, o ne a sa kopiwe go ôbamêla disêtwa, mme o ne a rutwa gore poloka e bônwa mo go Kreste. (Ditihô 16: 31). Mo_o, o ne a laolêlwa gore a direng go ka fitlha mo polokong ya ga Kreste. Ditihô 2:37,38; BaRoma 6:1_4; BaGalatia 3:27.

13. PHUTH GÔ E E MO BIBELENG E NE E GAKOLOLWA KE DIGAKOLODI DIFE?

A. Letsatsi ja Modimo, eleng ja ntlha Mo bekeng. Je, ke jônê letsatsi je le ne le tlhaoletswe ke Kreste, ke go tsoga ga gagwê (Luke 24:1,2; Yohane 20:26) mo Phuthêgô e ne ya kôpana go supa kgalaletsô ya Modimo ka Kreste. (Ditihô 2:42; 20:7; Tshenolô 1:10). (Letsatsi ja Pentecost ebong Tshologo ya Moea o o Boitshêpô, le ne le le ja ntlha mo bekeng.)

B. Selalêlô sa Modimo: Lekgotla je le ne le tlhôngwa ke Jesu (Luke 22:19), gore le tlalediwa ke bana ba Onê. (I BaKorintha 10:16,17). Se ne se ntshiwa jaaka setshwantsbo sa kôpanô ya batho ba Modimô. (I BaKorintha 11:26), ele tsela ya go tshegetsa bophelô mo go Kreste (Yohane 6:53_58; 1 BaKorintha 11:30).

14. BOITSHWARÔ JO BO BONGWANG MO BIBELENG KE JO BO JANG?

Tumêlô le tirisô di nedi bônwa fela mo Testamenteng e Ncha, tseo di ne di abetswe Baapostoloi ke Môya o o Boitshêpô. Phuthêgô e ne e laolwa ka gotlhe fela ke mafoko a Modimo, o eleng ônê a reng, "disang ka gotlhe mo mafokong a a siameng", (2 Timotheo 2:12,17; 2 Petere 1:3). Kaêlô ya Modimô tebaganong le Thulaganyô ya Phuthêgô, e ne e eme ka gotlhe ka tlhômamô.

15. DIKABELO TSA PHUTH GÔ E EMO BIBELENG DI NE DI NTSHIWA JANG?

"Ka Dibesô le Dikabêlô tsà bana ba Modimo. (2 BaKorintha 9:6_15) Malakea fa a supa kotsi ya go tsietsa Modimo: Malaki 3:8_10. Jesu one a godisa tulô ngwe le ngwe ya Testamente e Kgolo. Ga a ise a ke a tle a ngôtlafatse sengwe sa ditulô tse: Mathaio 5:20_22; 43_44. Ka moo sebesô se tshwanetse go nna selekanô.

16. MAIKAELELO A PHUTH GÔ E E MO BIBELENG ENE ELE ENG?

A. Go rêra lefoko: Mareko 16:15; Ditihô 8:4. Se, se ne se dira ke baefangeli le MoKreste mongwe le mongwe ba tsamaea ntlo le ntlo. Ditihô 20:20; 5:42; 11:12_15.

B. Go dira barutwana: Mathaio 28:19. Se, se dirwa ka go rerisanya le banna le basadi, mme ka tumalanô ya bônê, ba dirwe "Baithutwana baJesu."

C. Go kolobetsa bao batho ba bane ba ipôntsha ka go tlhoka polokesêgô, mme ba bôna fa Jesu ele mmoloki wa bôna. (Mathaio 28:19).

D. Go ruta bôna batbo bao, "Mafoko otlhe a bophelô jono." Ditihô 5:20.

E. Batho ba, ba ne ba ikgobokana ba nna diphuthêgô, mme ba nna batho ba boikangwa mo go_ipuseng; go_ikêmêla; le mo kgodisong ya diphuthêgô. 2 Timotheo 2:2; Ditihô 13:14.

No comments: