Tuesday, April 29, 2008

LEBATI BOJELO LA MORENA

2710 - Tswana

(SELALELO)

R.S. Mills

Re seka ka gope re a sheba ka "nyatsego" se sengwe seo e leng sa ga Morena Jesu. Re bua ka tseo a di tlhopileng go ntsha taelo ka tsona e le "melao". Setso sa motho se tota se se botlhokwa mme dilo tseo di tlhopilweng ke Morena di tota di le botlhokwa e bile ga di a tshwanelwa go itlbokomoloswa ka gope. Go tota go sa tshwenye ka gope le fa re nale kago go rorisa. Moo go tshwanetseng, mme kago ga e a siamela go rorisa go ya pholosong ya motho. Fa re rorisa ka letsatsi la Morena; fa re ka ruta gore motho o tshwanetse go tsalwa ka metsi le Mowa kolobetsong ka go inwa; fa re gopola loso, phitlho le tsogo ya Morena wa rona mo tirelong ya Botsalano kgotsa Selalelo; dilo tse di botlhokwa. Di amana le bosakhutleng koo re tla bo bonang. Tse tsotlhe ke melao ya ga Jesu Kreste. Ka ntlha ya boamaruri jo, go botlhokwa gore re sekeseke ka botshepegi le ka tolamo, segopotso seo se bediwang Selalelo kgotsa "Lebati bojelo la Morena".

Taelo ya ga Morena Jesu Kreste

Segopotso se, ga se a simololwa ke Motho. Se simolotswe ke Morwa Modimo. Ka tatelano ya se are: "fa lo dira se: ka nako tsotlhe lo nwe e le go nkgopola." 1 Bakorinta 11:25.

Fa e ne e le se tswang mothong e ne e ka be e le seo se senang mosola le go ka tlhokomologwa. Re tla boloka segopotso kgotsa re a se lebala fa re ikgetela. Mme se, ke segopotso seo se naleng boleng seo re solofetsweng go se boloka "go fitlhela a tla gape". Re se neetswe le go re gopotsa lorato lo logolo lwa Gagwe mo go rona. Ke seo se re kopanyang le ene kwa ntle ga sone, go setswe go netefaditswe gore motho o kgaogana le Modimo a latlhegelwe semoyeng. Ga go kgonego gore o ka nna Mokreste sephiring kgotsa go nna le "mowa o o itlelang fela." Le rona re ba Gagwe le go kopangwa go gopotswa se, kgotsa ga re ba Gagwe gotlhelele. Kopano ya rona e ne e le e e utlwisang botlhoko le gore re nne ba timetseng jaaka sekepe se latlhega go tloga moo se emelang gona se simolole go ya mafikeng se latlhege!

Moapostolo Poulo ore, "Ke amogetse Moreneng seo ke setseng ke lo se neile, ka moo Morena Jesu bone bosigo joo ileng a tsiediwa ka jone o ile a tsaya borotho: Fa a sena go bo lebogela, a bo nathogana are, Tsayang, lo je: Se ke mmele wame oo o robelwang lona: dirang se ka go nkgopola. Ka one mokgwa a tsaya senwelo fa a sena go ja are, Senwelo se ke kgolagano e ncha ya madi a me: Se lo se dire ka metlha fa lo se nwa fa lo khgopola. Gonne fa lo aga lo ja borotho jo le go nwa senwelo se, lo tla be lo bontsha loso lwa Morena go fitlha a boa. Ka moo mongwe le mongwe yo o tla jang borotho jo le go nwa senwelong se, sa Morena mo go sa tshwanelang o tla be a le phoso mmeleng le mading a Morena. Mme a motho a itshekatsheke morago e nee go ne a ja senkgwe le go nwa senwelong se. Gonne yo o jang a be a nwa mo go sa tshwanelang, o jela le go nwela katlholo e e mo labaganeng go ya bosakhutleng, ka ntla ya go sa eletlhoko mmele wa Morena. Ka ntlha ya se ba le bantsi ba koafetse le go lwala ka bo lona le ba le bantsi ba robetse." (1 Bakorinta 11:23-30).

Nako ya Selalelo sa Morena ke ya:

Botsalano - (1 Bakorinta 10:16-17). "Senwelo sa tshegofatso seo re se segofatsang, a ga se botsalano le madi a ga Kreste? Senkgwe seo re se ngwatoganyang, ga se botsalano le mmele wa ga Kreste? Gonne jalo ka re le bantsi re senkgwe se le sengwe le mmele o le mongwe: gonne re ba tsaya karolo ba senkgwe se se nngwe se. Moapostalo Johane o dirisa bokao bo le bongwe fa are, "Ntle le gore lo je nama ya Morwa motho le go nwa madi a gagwe ga lo na botshelo mo go lona. Yo o tla jang nama yame le go nwa madi ame o nale botshelo jo bosakhutleng e bile gape ke tla mo tsosa ka letsatsi la bofelo." (Johane 6:53-54).

Segopotso se, kopanya motho ka maikaelelo a le mangwe fela. Fa re le karolo ngwe ya mmele re nne mmogo go gopola Morena ka moo le rona re tshwanetse go nna le bo kopano ka bo rona. Mmele ke kopano ka bo yone. Re ba nngwe mo go Kreste. "Bao re leng bantsi re senkgwe se le se nngwe le mmele o le mongwe." (1 Bakorinta 10:16). Paulo o boleletse Bagalata se, "Jaaka bontsi jwa lona bo kolobeditswe Kreste bo apere Kreste." (Bagalata 3:27). Modimo o rometse Morwae go swela botlhe gonne o ratile botlhe. (Johane 3:16). One o batla batho botlhe ba nna ba nngwe fela. (Johane 17:21).

Go-ineeletsa - Go ya ka kgolagano ya Mosaic pele ga mopresita a tla tsena mo letloleng la Morena o tshwanetse go tlhatswa mmele wa gagwe ka e le tshwanelo go itlhatswa. Ga a batle go tla fa pele ga Modimo a "itshekologile". Fa a sena go itsheka o kgona go atamela Modimo a nne motsereganyi gareng ga Modimo le motho. Le rona pele ga re ka tshwanela go atamela Modimo re ne re tshwanelwa go tlhatswa ka metsi le Mowa. (Johane 3:5). Go inwa go, ga metsi go itshwarelwa dibe go bidiwa "kolobetso" go ya ka Segerika lefoko le, go inwa ke "baptiso". Ka ntlha ya go tlhatswiwa go, re na le monyetla wa go ema pela ga Modimo re le seo se "kgethilweng", se tlhatswitswe. A jaanong re ntshwafatseng go ineela beke e ngwe le e ngwe fa re tla selalelong sa Morena, re itshekatsheka gore re ntshwafadiwe.

Segopotso - Botlhokwa jwa boikgopotso ke go ikgopotsa mo menaganong, tiragalo e magareng kgotsa sengwe. Bogare jwa nnete e le tiragalo mo Bokresteng ke Jesu Kreste yo o suleng, a fitlhwa a be a tsoga phupung. O eteletse motho pele. Ao "mafoko a molemo" jang! Se ke efangele.

Fa re tlhokomela Selalelo sa Morena re lebeletse tlase jaaka mabitleng re gopola loso lwa Morena wa rona. Re ba tsaya karolo ba senkgwe le leungo lwa mofine re gopola gore mmele wa Gagwe o ne wa rojwa Sefapanong le madi a Gagwe a tshologileng go duela maleo a rona. Re shebile godimo go Kreste yo o tsogileng a tswa mabitleng a tlhatlogela kwa legaeng lwa Gagwe legodimo go nna mmogo le rre wa gagwe, Modimo. Re boleletswe go dira se, "go fitlhela a boa gape" re gopoleng gore Morena wa rona o boa a le marung Morena wa phenyo!

Selalelo sa Morena ke setshwano sa le ruri sa kereke ya Gagwe.

Botsalano jo bo sa gopoleng tlhogo ya jone le mosimolodi wa jone bo tla se itsege jaaka jo bo ikanyegang. Jesu Kreste ke tlhogo ya kereke. O rile, "Go fitlhela ke tla." Ke gopotswa kgaitsedi o o ratega Moreneng, yoo e neng yare a bolawa ke botlhoko jwa kankere ka moo o neng a kgona ka teng o ne a nna teng Selalelong sa Morena beke e nngwe le e nngwe o ne a solofetse go nna le Ene. Beke tse pedi pele ga a swa, o ne a sa tlhole a kgona, bagolwane ba ne ba setse e bile ba mo isetsa segopotso. Ura tse pedi pele ga a bidiwa go kopana le Morena wa gagwe o ne a le Selalelong sa Gagwe le bo abuti ba gagwe le boausi le Morena gaufi le ene. Se ke seo o neng a se tlhalosa fa A re, "go fitlhela ke tla." Ga go makatse gore monna wa gagwe a be a re reile ka boitumelo jwa gagwe letsatsi lele la bofelo la Morena mosong fa a ne a ipaakanyetsa tiragalo ya bosigo. O ne a ipaakanyeditse, ka boikanyego le keletso go kgatlantsha Morena wa gagwe.

Selalelo sa Morena se tota se le Botlhokwa:

Ga se a tshwanelwa Go itlhokomoloswa - Buka ya Ditiro ka go rulaganya tatelano ya ditiragalo tsa kereke, e re ba tswelela "ka go sa iketle" mo tumelong ya boapostolo le botsalano le go ngatoganya Senkgwe le go nna mo thapelong. Thanolo ya NIV e derisa mafoko a gore "ba ne ba ineetse." Batho ba ne ba ikanyega, ba beile se, sa pele matshelong a bone. Ba ne ba sa tlogele tiro ya bone.

Thulaganyo ya Selalelo sa Morena e tota e le e botlhokwa gore e be e bolokilwe go ya ka botlhokwa jwa yone mo go Matheo, Luke, Mareko le 1 Bakorinta. Fa Lefoko la Modimo le boeletsa selo re tshwanetse go se tsaya se le botlhokwa!

Se ke se se botlhokwa seo kereke ya pele e ileng ya se elatlhoko go rorisa Modimo. E rile moapostolo Paulo a fitlha mo Troase o ne a itse gore Bakreste ba tla nna mmogo go kopana e le go tsaya tsia Selalelo sa Morena letsatsi la ntlha la beke, ka moo o ile a leta beke yotlhe gore a ke a kgone go tsenela bokopano jo mmogo le bone le Morena a ntse a le ga mmogo le bone. (Ditiro 20:7).

Ga se a tshwanelwa go patikwa - Bangwe ba Bakreste ba dirisa nako ya Selalelo jaaa moletlo fela jaaka baheitane ba dira fa ba obamela medimo ya bone ya disetwa. Ba ne ba tle ba tlhapelwe ba ikgaogane le batlhoki. Paulo o ne a ba tenegetse fa a supa gore ba na le matlo a bone koo ba tla ketekelang meletlo teng le go laletsa bao ba ba ratang. Selalelo ke sejo sa segopotso e seng moletlo wa baheitane! Ba ja le go nwela go otlhaiwa.

Ga se mafoko a a buiwang mo selaleng ao a ka itshepisang yo obamelang. Ga se go ngathoganya senkgwe pontsheng jaaka mongwe a ka boeletsa mafoko a, "se ke mmele wame oo o robetsweng lona: se lo se dire ka go nkgopola." Ga go na sepe se se phoso ka go dira se ka tlwaelo fa re gopola gore tlwaelo eseng karolo epe ya taelo ya Morena. Ga se gore, "leugo la mofine" le tlhakatlhakane kgotsa le itekanetse le fa mongwe le mongwe a nale boikgethelo jwa gagwe. Ga se gore ke senwelo se le nngwe kgotsa di le mmalwa tseo di dirisitsweng. Selo se se botlhokwa ke go "gopola" botlhokwa jwa segopotso! A re sa ntse re gopola go dira segopotso sa go rojwa ga mmele wa Morena le go tshologa ga Madi a gagwe fa re kopana? (1 Bakorinta 11:29).

Se ke seo re se itseng ka pelo - fa pelo ya Mokreste e sa angwe ke ka moo mo obamedi o nnang setshegwa a sa le a sena sepe. Modimo o re neetse Morwae! Morwae yoo o ne a bapolelwa sefapanong sa Baroma ka ntlha ya rona gore re tle re itshwarelwe dibe. Dilo tse re tshwanetse go di gopola le go di itse ka nnete.

Fa re palelwa ke go gopola dilo tse, re dira seo se sa siamang ka segopotso katlholo e nne botlhoko le loso fa re tswelela, "Yo o jang a be a nwa mo go sa tshwanelang, o jela le go nwela katlholo ya bosakhutleng ka go sa tseye tsia mmele wa Morena. Ka ntlha ya se ba le bantsi ba bokoa le bangwe mo go lona ba a lwala le bontsi bo robetse." (1 Bakorinta 11:29-30).

Se ke ditlamorago tsa go ikgaogana le tumelo jaaka bangwe ba dira. (Bahebera 10:25). Go tota go le botlhokwa go ikanyega mo go tseyeng karolo mo Selalelong sa Morena. Jesu Kreste o laetse gore re dire se, e le ka mokgwa o o siameng, re gopola loso lwa Gagwe go fitlhela a boa, a re tlela. A pelo ya gago e siame? E ka se siame fa o itlhokomolosa Selalelo sa Morena kgotsa fa re sa se gopole e le segopotso go Ene.

Loso le, le botlhokwa go na le la botlhoko. Loso le le tlholwang ke botlhoko le ama fela botshelo jo jwa jaanong, loso lwa semowa le akaretsa bo sakhutleng! Re ka raelesega ra re Modimo ga a ka a re siamela. Nya, ga A jalo.

Fa re dira nyatsego mo losong lwa ga Morena Jesu, re gaisa bao ba nene ba bokane koo o bapoletsweng teng ba neng ba mo goeletsa, "Mo tlogeleng a bapolwe!" Ba ne ba sa mo itse jaaka Mopholosi. Rona re a mo itse. Le fa re mo itse re itatola papolo ya Gagwe. Ba le bantsi ba bao ba neng ba le kwa o teng ba ile ba sokologa ya nna Bakreste. Re bolelelwa gore fa moapostolo Petoro a ne a rera ka letsatsi la Pentekoste, ba le bantsi bao ba ileng ba mo utlwa, "Fa ba utlwa se ba ile ba tlhabega mo pelong, bare go Petoro le go baapostolo ba bangwe, re tshwanetse go dirang? (Ditiro 2:37).

"Ke fa Petoro a re go bone, Sokologang lo kolobediwe mo leineng la ga Jesu Kreste go itshwarelwa dibe le tla amogela neo ya Mowa o o Boitshepo". . . "Ka moo ka boitumelo ba amogela lefoko la gagwe ba ne ba kolobediwa ka lona letsatsi leo ba oketswa ka palo ya dikete tse tharo." (Ditiro 2:38, 41).

Bontsi bo ile jwa sokologa jwa pholoswa. Bakreste ba le bantsi ga ba kitla ba sokologa e bile ba tswelela ka go nyatsa Morena Jesu le go leswafatsa segopotso sa Gagwe. O ile a re ba tla bobola le go swa ka ntlha ya boleo joo. Go itse Morena o be o boela morago go tshwantshisiwa le kolobe e boela lesweng la yone!

Re Tshwanetse Go Dirang?

Re tshwanetse go latela Selalelo sa Morena ka mowa wa go itshekatsheka. "Motho o tshwanetse go itshekatsheka pele ga a ja senkgwe le a nwa senwelo gonne go o jang a nwa a itlhokomolosa mmele wa Morena o jela a be a nwela kotlhao. Ke ka moo ba le bantsi mo go lona ba leng bokoa le go lwala le palo eo e setseng e robetse. (1 Bakorinta 11:28,29). Go tota go le boholo go itshekatsheka le go lebisa megopolo ya rona ka maikaelelo mo segopotsong. Lekwalo le a re, "fa re ikatlhola, ga rena re tla katlholong. Fa re atlholwa ke Morena re tsengwa mo taolong gore re seka ra atlholwa le lefatshe." (1 Bakorinta 11:30,31).

Bakaulengwe a re nne taolong mo Selalelong sa Morena gore boamaruring bone mmele wa Morena re tle re tshabe katlholo ya Morena eo e amogelwang ke bana ba se nang kutlo.

Re na le kopano ya beke le beke le kgosi taletso go tswa go Morena Jesu. Ga go na sepe se se ka nna boitlhokwa jaaka se mo go rona. Mme jaanong a re nne taolong gore re boloke kopano e, ka mokgwa o o tseneletseng gore re nonofe go nale gore re koafale.

No comments: