Tuesday, April 29, 2008

BOTSALANONG LE MODIMO

2658 - Tswana

Dingwaga tse di fetileng ke ile ke a utlwa molaetsa o ikegile ke setlhogo se: "Sebe se segolo seo se bonwang Bakresteng". Ke ile kea makala gore moruti a ka tswa a bua ka sebe sefeng sa Bakreste ke ne ke nagana gore bokhutlo jwa thero ya gagwe ene e le jo bo siameng - jwa gore sebe se bonagalang bogolo thata ke sa go sa inela ka go felela - go sa letlelele Modimo go nna le sebaka - selo sa ntlha matshelong a rona.

Ke dumela ka pelo yame yotlhe gore thuto e re e tlhokang re le Bakreste ke go ithuta thata dilo tseo di tlang pele le go di eteletsa pele. Lefoko la Modimo le itlhagisa sentle gore dilo tseo ke difeng tsa pele.

E rile, a sena go bolelela barutwa ba gagwe gore ga ba tshwanela go tshwenyega ka dijo, seo ba ka senwang, le diaparo, (Matheo 6:25-32), Jesu o rile: "Ba tlang pele puso ya Modimo le "tshiamo" ya gagwe o re siolofeditse go re tlamela ka dilo tse dingwe go ya ka tlhoko ya rona.

Mafoko a, ka boripane a tswang molomong wa Morena a ka nna le bokao bo le bongwe: dilo tsa Modimo di tshwanetse go tla pele ga sengwe le sengwe - re tshwanetse go tla ka botlalo go Ene - go mo naya kgetho ya ntlha mo matshelong a rona.

Modimo o tota a batla go tlhagisa nako ya rona jaaka setlhogo sa pele gonne ele Ona o e laolang.

Dingwaga rseo re tla di tshelang di mo matsogong a gagwe. Modimo o ka be pele a ile a re neela maatla ka ntlha ya pholo ya rona, go tlogeng go yona re na le maatla, e mo kgonegong ya Modimo. Modimo ka boamaruri sa pele o re neile maatla gonne o re naya dineo tseo di farologaneng.

Go ya ka tlholego Modimo o ka be o re neetse chelete pele gonne chelete eo re amogelang ke e tebang le nako, maatla le bokgoni jo Modimo a re fileng jona.

Mathata a rona, jaang a me le wena - ke ona a ntlha go lemoga botlhokwa go ntsha ga Modimo mo go tse le go tlhagisa go ntsha bojotlhe jwa gagwe ka moo re tshelang le go somarela seo re ikamantse le sona.

Fa re batla go ba ya Modimo wa pele re tshwanetse go dirisa bonnye jwa letsatsi go Ithuta Lefoko la gagwe le botlhokwa jwa botshelo jwa thapelo. Maatla a rona le bokgoni a tshwanetse go dirisiwa go mo pakela le go Mo obamela mo tsamayong ya malatsi a rona.

Mme fa re neela dilo tse nako re be re sa dirise chelete ya rona, re latlhegelwa ke sengwe se se botlhokwa sa Bokreste seo re se itemogetseng. Modimo a ka se tseye maemo a ntlha mo matshelong a rona ntle le gore a tle pele mo di thutong tsa rona. Jesu o ile a gatlelela boamaruri jo ga are: "Koo mahumo a gago a le teng pelo ya gago e tla nna teng".

Mmaikutlo a Rona Tebang le Chelete

Bontsi jwa rona, selo seo se thata segolo ke go tlogelela chelete ya rona. Go bonolo go tlhaloganya se, mo lebakeng lantlha le le utlwalang chelete eo re amogelang ke botshelo jwa rona - nako ya rona, maatla le bokgoni, bo diretswe mo peneng.

Modimo o batla gore re gakologelwe ka dinako tsotlhe gore re tswa mo go Ene - yo o re fang nako, maatla le bokgoni joo ka jone re amogelang chelete eo re e bonang - Go tlholosa ka botlalo tseo re noleng tsona di tswa mo Modimong e bile ke tsa gagwe. Mo go lemogeng sa Modimo le boikarabelo jwa rona, Lefoko la Modimo le re ruta gore re tshwanetse re kgapele ko thoko bonnyane lesome - karolo ya lesome ya seo re se amogelang - neela seo go Modimo - O a diresetseng tlotlo ya Gagwe le kgalaletso go tsweletsa tiro ya Gagwe le go thusa ba nka rona.

Tiro ya Rona

Ha Modimo pele o ne o kopanya Bajuta go nna setshaba, O ile wa ba naya molao o o reng, (Lefitiko 27:30), "Le dikarolo tsa lesome tsotlhe tsa lefatshe, a e ka nna peo ya lefatshe kgotsa ya setlhare sa leungo, ke ya Morena; e itshepisitswe ke Morena". Elatlhoko gore se, ga se reye gore: "Karolo ya bo lesome e tshwanetse go neelwa Morena". Se, se raya gore ke ya Morena.

Dingwaga tsa go feta moporofeti Malaki o ne a otlhaya bajuta ka go sa bone pharologano le go ikokobeletsa melao ya Modimo. Mo go Malaki 3:7-9 Modimo o bua ka molao wa karolo ya lesomet. Ga O latofatse batho ka go sa dire tiro ya bona. Ga o tlhagise gore ga se gore ga ba gololosega e le tota. Ore, "Lo ntsieditse mo karolong ya lesome le moneelo".

Mafoko a itlhalosa ka botlalo gore fa ba ikgogela morago ka korolo nngwe ya lesome ba utswela Modimo seo e leng sa Gagwe.

Potso nako e ngwe e ka botswa e le gore a molao o, wa lesome a o santse o tlama badumedi le gompieno. Ka nnete lorato la rona la Modimo, malebogo a rona go Ene ka pholoso eo a re e fileng ka Morwae le go lebogisa tshegofatso tsotlhe tseo re di amogelang tsatsi le tsatsi go tswa mo go Ene, go tswa mo go seo re se amogelang seatleng sa Gagwe re tshwanetse go bona e le tswanelo gore karolo ya lesome ke bonnyane jwa Mokreste - joo a tshwanetseng go bontsha malebogo go Modimo ka tseo a re di diretseng.

Go Tlisa Ditshegofatso

Modimo o solofeditse gore o tota A tla segofatsa bao ba ikanyegang ka go mo tlhompha ka karolo ya lesome. Mo go Malaki 3:10 re buisa, "Tlisang karolo yotlhe ya lesome mo ntlong ya peelo lo nteke gore a go tloga jaanong ... fa e le gore ga ke na go lo bulela matlhabaphefo a legodimo le go tshololela diphororo tsa ditshegofatso gore go seka ga nna le sebaka sa go di amogela".

Mo sebakeng se ka fetang dingwaga di le some mabedi tlhano ke ntse ke bua le Bakreste ka karolo ya lesome ke tshwanetse go kopana le mongwe yoo ka boikanyego a ntshang karolo ya bo lesome ntle le go amogela ditshegofatso ka boamaruri. Go baya Modimo wa ntlha yo o botlhokwa mo go direng chelete ga rona mo dilo dingwe tsa botshelo go re tlisa mo goreng re lemoge gore Modimo ke molekane wa rona mo go tsotlhe tseo re di dirang. Ha dipelo tsa rona le dibuka tseo di nnang kgetsaneng di neetswe Ene re tla nna le kitso ya Gagwe e e sa khutleng go re thusa go fitlhelela mathata a re kopanang le one tsatsi le tsatsi.

Go le gantsi ditshegofatso di nna tsa chelete jalo le ka semoya. Motho yo o naganang ka nako ya gagwe le maatla e le tsa Modimo e tla nna modiri yo o tlhotlhwa, o tshwanelwa ke tlotlomatso le go okeletswa boikarabelo. Ra kgwebo kgotsa modiri yo o tlhotlhwa yo o lemogang bokgoni jwa gagwe e le mpho go tswa Modimong - yo o totang a batla thuso ya Modimo mo mererong ya gagwe - o tla bona katlego ka dinako tsotlhe.

Mme ditshegofatso tsa semowa tseo di tlang ka korolo ya lesome di botlhokwa thata go na le tseo di tlang ka dilo. Jesu o rutile, "Go segofala go ntsha go nale go amogela". Go na le boitumelo jo bogolo go ka bonwa mo go neyeng go na le mo go amogeleng. Chelete eo re bolokang gompieno ka go gasa mafoko a molemo a go rekolola ga maatla a lorato lwa Modimo le go thusa ba nka rona ga se tuelo ya khumo fela le boitumelo ke go bona boipelo jaaka re sa ntse re le mo lefatsheng mme gape a duela ka go sa feleng kwa legodimong.

Bopaki Jwa ba Duela Karolo ya Lesome

Mongwe o itsagalang wa bo-rakgwebo le wa baetapele ka tsa chelete e ne e le montshi wa karolo ya lesome. John D. Rokefeller o simolotse go ntsha karolo ya lesome fa a simolola go amogela tuelo ya gagwe ya ntlha ya beke. William Colgate yo o itsegalang wa tsa go tlhapa meno le tsa di diriswa tsa ntlwana ya boithomelo, Hershey wa "Hershey’s Chocolate", Heinz wa "57 varieties", Kraft wa "Kraft Chese", Jarman, modiri wa ditlhako, Kellog wa, "Corn Flakes", yo o tumileng, Kerr wa, "Kerr Fruit Jars", John Wanamaker, yo mogolo wa lefapha la ba dikepe - botlhe ba tlhomphile Modimo jaaka badiredi ba ikanyegang.

Ba be ba kgona go dira ka bo robongwe jo bo se tseng go tswa karolong ya lesome eo ba e neetseng Modimo ba ile ba ntsha karolo e ya lesome jwa bo lesome pele ga ba dirisa karolo ya lesome ya Modimo ya Ona le kgalalelo ke gotlhe ga maitemogelo a ba duela karolo ya lesome:

"Re ka bua e le ka nnete rare Modimo o re segofatsa tota, Chelete ya rona eo e setseng morago ga go duela karolo ya lesome e tswelela pele go na le tuelo ya rona yotlhe pele ga re ntsha karolo ya lesome".

"Ke ile ke a nna motlholagadi sebaka sa dingwaga di le some go ne go sa tsamaege bonolo mme go ile ga tokafala ka moo Morena o ileng wa bula mejako ya legodimo. Le melato, bolweetsi jalojalo karolo ya lesome e ile ya duelwa pele ka jalo chelete e e neng e setse morago ga karolo e ne e lekane go dira sengwe. Maswabi jwang ka go sa bone ditshegofatso ga Mokreste yo o sa ntsheng karolo ya bo lesome".

"Re ntsha karolo ya lesome ka maatlametlo re nne le gone go duela melato ya rona go gaisa pele le fa tuelo ya kgwedi e sa oketswa. Le boitumelo jwa rona le pholo ya menagano go isa boikanyegong jwa ditsholofetso tsa Modimo".

"Go itlwaetsa go beela kwa thoko bo lesome jwame jwa ntlha jwa tuelo yame jaaka e le jwa Modimo bo le mo polokelong e isegang go bolokesega mo tirong ya kereke e neile maitemogelo a ke iseng ke tsamaye ke nne le ona botshelong. Go ya ka nna fa mongwe le mongwe a ka itlwaetsa go ne a ntsha karolo ya lesome, mo sebakeng sa ngwaga a ka se tlhole a boela morago".

Go Gaisa Karolo ya Lesome

Ha karolo ya lesome ele ya Modimo, go neela ga go simolole go fitlhela Modimo a sena go amogela bo lesome jwa gagwe jwa ntlha. Ha Modimo O segofatsa le go atlisa chelete re tshwanetse go bontsha malebogo a rona ka maungo a lorato le menelo go gaisa le go fetisa karolo ya lesome.

Mo ngwageng ya 1935 mongwe mongwe wa barui ba lefatshe e leng Coy Langford o ne a le mo molatong wa $500. O ne a duela molato o pele ga nako ya teng o be a simolola fela ka $1200 go nna le kantoro ya gagwe ya lefatshe mo tulong ya gaabo. O ne a bula letlolo le le kgethegileng la go ba ya chelete ya bo lesome le moneelo mo tlase ga leina "Morena le Langford" Modimo o ile wa segofatsa boikanyego jwa gagwe gape jaaka Modimo a mo atlenegisitse a oketsa karolo ya Modimo ka 25c, ka dolara e ngwe le e ngwe a e bolokang o ne a ya kerekeng a dira tsa mautlwelobotlhoko.

Monna wa borwa Carolina O ile a ntsha bo lesome dingwaga tse dintsi. Fa Modimo o oketsa matseno a gagwe a chelete le ene o oketsa thato ya Modimo, santlha go diperesente di le some le botlhano, go ya go tse pedi. Modimo a tswelela ka go mo segofatsa. Kwa bofelelong a reka motshini o mogolo o o rulaganyang tsa go silwa a ntshetsa Modimo diperesente di le masome matlhano tsa bontsi jwa letseno la gagwe. Mo sebakeng sa dingwaga di le supa bontsi jwa go feta letseno la $100,000 le ne le se tse le dirisitswe go tsweng motshini o o silang dilo go tsweletsa mmuso wa legodimo e bile Fred Long o ne a bona boitumelo jo bogolo mo go diriseng karolo ya Modimo.

Mo Tennessee wa koloi ya kgweebo yo o ileng a utlwa Molaetsa o ile a simolola go ntsha bo lesome, Morago ga moo a kwala a re:

"Ka go nna le botsalano le Kreste ke ithutile le go nna le nako le tsa semowa mme go nna le nako e nnyane le tsa lefatshe go a ba ga nna le katlego. Ke tota ke tokafetse thata ka tsa chelete fa e sale ke ntsha tsa bo lesome go gaisa pele le fa nka nna le chelete e nnyane ke tla fela ke ntse ke ntsha bo lesome, gonne e nnile boitumelo jo bo se nang tekano, ke seo ke se ithutileng bokresteng. Ke ithutile gore gonna Molekane le Kreste le go nna le monyetla wa go nna le karolwana ya kgwebo ya gagwe go gaisa le se lefatshe le nneng le ka se ntsha go go se neela.

Ka Moo Bolesome bo ka Ntshiwang

Ha o amogetse Jesu Kreste jaaka Mopholosi le Morena, mme o ntse o neela Modimo masalela a letseno la gago go na le go mo neela bolesome, ka moo o ntse o tlhaelwa ke nngwe ya ditshegafatso tse dikgolo tse Modimo o di beetseng bana ba gagwe.

Simolola go ntsha bo lesome gompieno - go amogela kgwetlo ya Modimo mo ga Malaki 3:10. Etla tlisa boitumelo jo bo seng kana ka sepe pele ga bokreste jo o dumelang mo go jone - boitumelo jwa go itse gore o nale karolo mo go tsweletseng mmuso wa Modimo mo lefatsheng leo le tlhokang - kagiso e e tla tlang fela fa re eteletsa Kreste pele mo matshelong a rona.

Go bao ba na leng dituelo, ba lebeletse bo lesome go bonolo. Ka bonolo kgapela kwa thoko bolesome jwa tuelo ya gago fa o amogela - o bo kgaogane le chelete eo o e dirisang, "Ka letsatsi la ntlha la beke, o mongwe le o mongwe wa lona a beela kwa thoko seo a se kgobokantseng ka ntlha ya Modimo". (I Bakorintha 16:2)

Dipotso tse dintsi di a bodiwa gore go tshwanetse go ntshiwa bokae mo letsenong. Karabo e e siametseng tse tsotlhe ke e, "Nna yo o tshepegang mo Modimong jaaka le wena o ka rata go molekane wa gago mo kgwebong", fa o diragatsa se, ga go bonolo gore o tla fapoga mo tseleng ya gago.

Fa o ise o amogele Kreste jaaka Mopholosi wa gago, ka moo ga de dumele gore o tla bona tshegofatso go tswa mo go ntsheng gago bolesome. Ditsholofetso tsa Modimo ke tsa bana ba Gagwe, e seng bao ba ganang Morwae. Buisa Johane 3:16 le temana ya 36 le Baroma 10:9,10 le go baya tshepo ya gago mo go Ene.

Tshobokanyo

Kwa bokhutlong a re sekasekeng ka boripana mabaka ao wena le nna jaaka badumedi a re lemotshang gore, goreng re tshwanetse go ntsha lesome la seo re se amogelang kgotsa poelo:

1. Bolesome ke leano la Modimo ka lone badumedi ba lemogang botlhokwa jwa Ona ka go ba naya sebaka, maatla, bokgoni le chelete.

2. Bo lesome ke tsela e o re bonagatsang lorato lwa rona le malebogo go Modimo ka tseo a re di tsholetseng.

3. Bolesome bo tlhotlheleditswe ke Morena wa rona le Mopholosi, Jesu Kreste.

4. Bo lesome bo humisa botshelo jwa rona semoyeng, go re dira ba itumetseng le Bakreste ba ungwang.

5. Bolesome go le gantsi bo tlisa ditshegofalo mo go tsa chelete.

6. Bo lesome bo botlhokwa le tswanelo ya go ikokobeletsa taelo ya ntlha e kgolo "Rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe, le ka mowa otlhe le tlhaloganyo".

Amogela kgwetlo ya Modimo mo go Malaki 3:10. Naya leano la gagwe teko e e tshwanetseng ngwaga o tlang. Ke bolela pele gore e tla nna ngwaga o o isegang mo Bokresteng jwa gago le gore o tle o tsweletse maiteko go ya go ile.

Ke leboga Modimo go ntemotsa seo ke iponang ke le sona le go Mo tshwanela le go ikutlwela boitumelo jo bo leng teng ha motho e le molekane le Modimo. Ke lekile leano la Modimo. Le a dira. Ke bua le lona ka gore lo le leke le lona.

No comments: