Tuesday, April 29, 2008

GO BOELA MORAGO LE BOITSHWARELO!

2676 - Tswana

LEFOKO LA MODIMO LE BOLELA MODUMEDI GORE A KA THIBELA JANG GO BOELA MORAGO.

Bontsi jwa rona bo itse ka ga bao ba itsiweng ka leina la ga Kreste mme morago ga nako ba boele morago koo ba tswang. Satane ga a swa. O tota a santse a tshela le go timetsa ka tumelo e e seng yona, go thibela go tshela ka go tshwanetse. Rona ka borona re ka tswa re itemogetse ka go fapoga dilo tseo re di itseng. Re thibela jang se? Go tsaya tsia dintlha tse di latelang ka go boela morago go ka go thusa go tshwarelela Morena Jesu Kreste.

Kgonego:

Lemoga kgonego ya go boela morago. A go tota go sena bokao ka bao re tshelang le bona bao ba boetseng morago gore re tle re netefatse kgonego ya go boela morago! Gontse, poelo morago ga e kgonege hela mme e kgona go nna teng ka dinako tsotlhe. Batho ba Modimo ba boleletswe gore, "Ikeleng tlhoko, lo babalela mewa ya lona eseng jalo lwa lebala tseo matlho a lona a di boneng, eseng jalo tsa tswa dipelong tsa lona botshelo jwa lona jotlhe". (Doiteronomio 4:9).

Letswai le tla tswa motswako. Peo e ka tshwarwa ke mmitlwa. O mongwe a ka itshwara phatla a shebe morago.

Mongwe a ka phutlamisa rre wa gagwe. Paulo o rile bangwe ba tswile tseleng ba ya go satane. Lerato la chelete le ka dira gore motho a fapoge mo tumelong. Go nale banna ba tshwana le Demase ba ratang lefatshe le. Re tshwanetse ra nna kelotlhoko e seng jalo dipelo tsa rona tseo di sa siamang tsa re kgaogana le Modimo. Re ka thatafatswa ke bo sa yeng kae jwa sebe. Re tshwanetse go boifa eseng jalo ditsholofetso tsa re tlhaela.

Modi wa santlhoko o ka anama wa tlisa matshwenyego le go re leswafatsa. Re tota gape re tla tlhakana le lefatshe gore bokhutlo jwa rona e nne jo bo sa siamang go fetisa tshimologo. Re tla itlhokomolosa melao ya Modimo. Re tla tlola melao re se nne mo Modimong. Re tla nna mo Modimong. Re tla tlogela lorato lwa rona la pele. Go nale kgonego go boela morago jaaka kolobe e mmetsa leswe. Dipolelo tse, ke tsa Lokwalo. Go ganetsa kgonego ya go wa e tota e le go itlhokomolosa go go tseneletseng. "A ene yo a reng o eme a eletlhoko a seke a wa" (1 Bakorinthe 10:12).

Setlhodi:

Elatlhoko seo se bakang go boela morago. Go tlamela ga Modimo ga lehela go ka baka gore motho a mo lebale. Modimo o ne o tshwanela ke go tlhaga Iseraele gore e tla mo lebala. O ne a e reile a re e ikele tlhoko fa e le mo lefatsheng e jele e bile e kgotse. Fa ba nne ba agile mo matlong a bone a maswa ga mmogo le letsomane le selefera e ntsi le gouta gone go nale kotsi ya gore ba lebale Modimo (Doiteronomio 8:12-14).

Fa motho a sa aparelwa ke bo madiamabe, o kgona go lebala Modimo ga bonolo a nagane gore seo a naleng sona e ne e le seo se tlhokwang ke bokgoni jwa gagwe. Fela jaaka Jeshurane yoo o ileng a "fetogela mafureng," bontsi bo ile jwa tlogela Modimo yo a ba dirileng, (Doiteronomio 32:15). Jesu o rutile gore ka ntlha ya boikepo, lorato lwa ba le bantsi le tla tsidifala (Matheo 24:12). Se, se re ruta gore tlhomamo mo lefatsheng le, e tla dira gore badumedi bangwe ba timele. O rile dikgobo kgotsa tshotlo e tla dira gore badumedi ba boele morago. Poelo morago go tseo re neng re di rata - batho, mafelo, kgotsa dithoto - go tla re busetsa morago. Gakologelwa mosadi wa ga Lote!

Bangwe ba gana nnete ya semowa, go lebiseng go senkgwe se bonwang le go ganana le Jesu (Johane 6:66). Lerato la chelete, go tuma, boikgomoso jwa kitso, thobalano e e letlelesegileng, go rata ga gago, le go nyemisa go baka poelo morago. Dikgoreletsi tse dintsi mo go tseyeng kgato, maikutlo mangwe, le boikgogomoso mo Bakresteng ba bangwe. Bontsi bo wela mo tlase ga letsogo la Modimo leo le gagametseng. Tlwaelo, boitumelo, bokopano, mmereko, le kgetololo e tla kgaogana le Modimo.

Selo ga se a tshwanela go nna maswe ka bo sona go re gogela mo thaelong go go senyega. Mongwe a tla boela morago go fitlha ntate wa gagwe. Mongwe a tla nna le morero mo thuong ya gagwe eo a e rekisang. Mongwe a tla tlhokomela dikgomo tsa gagwe. O mongwe a tla leka go itumedisa mosadi wa gagwe. Tse ga se tse di maswe. Ke maipato a motho o antshang go sa sale Jesu morago, gape e ka nna mabaka a go tlisa poelo morago. Fa o kgaogana pelo ya gago mo go saleng Morena morago, e nna mabaka a a dirang gore o latlhegelwe go se o neng o tshwanelwa ke go se bona go tswa go Kreste.

Tsela e tlhamaletse ebile e tshesane. O tshwanetse "go dira ka natla go dira gore pitso le kgetho ya gago e e nepagetseng" (2 Petoro 1:10). Re tshwanetse go elatlhoko dilo tseo re di utlwileng le go se di leseletse go tswa. Jaaka sekepe se ya boemelong go emisiwa, re tshwanetse go netefatsa gore ga re tshwamoge go tswa motsamaiseng wa sekepe re senyege. A o tshela ka mokgwa oo ka yone poelo morago e tla nnang gone?

Ditshupo tsa kwa ntle go tswa teng:

Lebelela ditshupo tsa kwa ntle tsa poelo morago. Poelo morago e simolola ka go tlhoka malebogo le go tlhoka pharologano. Ke tema e tlwaelegileng e bile e tsaya nako. E simolola go itlhagisa ka boyona ka go bona phoso Bakresteng.

Seo se tlisa, mo go ngongoregeng ka bone:

Ka moo mongwe a simolola go lekantsha diphaso tsa gagwe le tsa o mongwe. Ditlolo tsa rona ke diphoso. Ditlolo tseo ba di dirang di baka sebe. Dibe tse di seng botlalo go naganwa fa di se maswe. Letswalo e nna leo le fisitsweng. Mongwe a simolole go ipuelele, ga se phoso go dira "bonnyane" jwa sebe gonne tota ga go yoo o botlalo.

Ka bonako morago ga moo yoo o boetseng morago a simolole go sa bonale kwa diterelong tsa kereke. O setse a itse tsotlhe tseo di tshwanetseng go itsiwe. Moreri ke yoo a senang botshelo. Morutabana ga itse sepe. Ga ithute sepe go tswa phaposing. Batho ga ba na botsalano. Mongwe o mo tshwere botlhatswa. A simolole go bitse ditokololo tsa kereke ka maina a sa tshwanelang jaaka ba ga ‘moruti Jones’ ba bitsana. A simolole go botsolotsa makwalo mo Beibeleng segolo jang a a kgobang dibe tsa gagwe kgotsa maikutlo a gagwe ao a sa siamang. Ga a kitla a sokologa kgotsa go amogela tlhoko ya go fetoga. Ba bangwe botlhe ke ba tlhakatlhakaneng. A simolole go itlhokomolosa ditokololo tsa kereke a boele go nna ditsala le ba lefatshe.

Nna kelotlhoko fa o simolola go bona phoso mo Bakresteng ba bangwe! Nna kelotlhoko fa o sa tlhole o kgatlhwa ke go arologana Lefoko la Modimo.

Kgotsa o sa natefelelwe ke go nna le bana ba Modimo fa ditlhoko tsa bona di sa go ame ka gope, o nna le le tshabo le le kgolo. Fa o sa eme wa ikemisetsa ka Kreste, kgotsa o nale letshogo la gore tumelo ya gago e tla tshegwa, o mo mathateng. Fa o tshwenyegile ka ditlamorago tsa gago e seng botho jwa gago lebone le le khibidu le bonesitse. Fa o sa rate go rapela, ebile gape o bona e le kgale o badile Lefoko la Modimo, mowa wa gago o mo kotsing. Fa tsala tsa gago tsa pele tsa Bakreste di nna le kopano le wena o fela o tshwenyega, o tota o nale letshogo. Fa go sena sepe seo se lebegang jaaka sebe, o latotse tumelo. Bokhutlo jwa gago bo maswe go fetisa pele o itse Kreste. A o nale ditshupo tsa kwantle tsa se?

Ditlamorago:

Bala boleng jwa ditlamorago tsa poelo morago. Go na le ditlamorago tse dintsi. Yo a boelang morago o tlile go latlhegelwa maatla a botshelo jwa gagwe jwa thapelo. O ikutlwela go latlhegelwa ke maatla a . A ka khutlisa go rapela, ntle le kwa dijong. Sebe se kgaogana botsalano jo bo atamalaneng le Modimo. Modimo o solofetsa bao ba boetseng morago gore metsamayo ya bone e tla ba latofatsa. Tshiamo ya pele ga e ne e tlhagelela fa o swela sebeng (Hesekiele 33:12-18). Tlhokomela gore letimona leo Jesu a le kgoromeditseng ntle ga le tlise a le supa a a kgopo go go sotla (Luka 11:21-26). Fa re mo gana le ene o tla re itatola. Modimo a tla se dire gore re bone katlego fa re mo itatola (2 Ditirafalo 24:20).

Re tla latlhegelwa eng fa re boela morago? Re tla latlhegelwa ke boitumelo jo bogolo jwa letswalo, kagiso e e phalang kutlwisiso, tsholofetso e e tlhatswang. Ga re na re nna le tsholofelo ya Legodimo. Boemong, letsogo la Modimo le le gagametseng le tla nna godimo ga rona. Go botoka go sa itse nnete go nale go itse o be o boela kwa morago. Moya o Boitshepo o tla re tlogela re tlhoke mogomotsi, bo gone jwa gagwe. Re tla tlhaela Legodimo, bokopano le Bakresete ba rategang, le boitumelo jwa go bona Kreste.

Yo a boetseng o tla latlhelwa mo Moleting ga mmogo le baaki le ba sa ikobeleng kgolagano. Fa re sa nne mo go obameng, maina a rona a ile go tlosiwa mo bukeng ya botshelo ya kwana. Moleti wa molelo ke one fela o tla reletelang. Re tla kgaogana le Modimo go ya bosakhutleng. A poelo morago e nale boleng jo bo kalo?

Kalafi:

Nagana ka kalafi ya go boela morago. Kalafi e nngwe fela ke go utlwa botlhoko ga bo-Modimo boo bo tla diranang le tshokologo. Boipelelo jo bo feletseng go Modimo bo tla tlisa pholo ya semoya. Boipelelo gabo na kemedi le tshokologo. Pelo e e na leng malebogo e e bakwang ke menagano e mentle mo Modimong ke yone e tla siamisang poelo morago. Kamogelo ya maitshwarelo a Kreste a antshang a botlhokwa gore yo o boetseng morago a boele maemo a a siameng.

Thapelo le go itima dijo go tla thusa motho go kgapela thoko metsamao ya gagwe e e maswe. Pusetso ya seo o se sentseng ga mong le tlhaloso di botlhokwa kgotsa sebe se tla nna se sa itshwarelwa. Kopa ya dithapelo tsa bakaulengwe ke tolamo. Kutlwisiso e e tseneletseng ya bo maswe jwa sebe, le letlhoo go satane go botlhokwa mo tshokologong e e bontshang botshelo. Sebopego mo kelelong ya motho ka se se utlwisang botlhoko seo a se diretseng Morena le batho ba gagwe ba tla go thusa gore o se palelwe gape. Nna le sebopego sa ga Kreste le baengele ba gagwe ba itshepisitsweng ba itumelela tshokologo ya gago se, se tla dira gore yo a boetseng morago a ikokobetse.

Boikgogomoso jwa dithoto, maemo, go tuma di ka bontsha go tlotliwa. Ya a boetseng morago, jaaka morwa sesenyi o tshwanetse go itharabologelwa gore ga a tshwanelwa go bidiwa morwa. O tshwanetse go nna jaaka motlhanka. O tshwanetse go bona sebe sa gagwe e le tlolo go rre yo o siameng a le lorato. Ke maikutlo a a neng a le mo go morwa sesenyi fa a boela gae. O ne a ja dijo tsa dikolobe; jaanong a ka ja tsa namane e e nontshitsweng. One a apere dikatana, jaanong a ka apara bontle. E ne e le ya a latlhegileng; jaanong o amogetswe gae jaaka morwa. A o ka se ipolele sebe sa gago gore Modimo a go itshwarele?

Bokhutlo:

"Jaaka bangwe ba setse ba fetogetse mo mekgweng ya bona e e sa siamang, Morena o tla ba busetsa bokgopo jwa bone" (Dipesalome 125:5). Ga go tlhokege gore ope a boele masweng (Bahebere 6:4-6; 10:39).

"Emang ditseleng le lebelele lo botseng metsamao ya kgale ka eo e siameng, o tsamaye mo go yone o tla bonena moya wa gago phomolo" (Jeremia 6:16). "Ke tla fodisa poelo morago ya bone. Ke tla ba rata fela: gonne go tenega game ke tla go tlosa go ene" (Hosea 14:4). Modimo o re, "Boelang go nna, ke tla boelana le lona (Maleagi 3:7).

Petoro o reile Simone wa moloi, "sokologa mo bokgopong jwa gago o rapele Modimo gore a go itshwarele. Gonne ke bona gore o mo matlhomoleng le go tshwarelelwa ke boleo" (Ditiro 8:22, 23). Modimo o a "tshepagala gape o siame go itshwarela dibe tsa rona, le go tlhatswa ditlolo tsa rona" (1 Johane 1:9).

No comments: