2750 - Tswana
Seth Wilson
"Gore jang" go tla isa kwa mananeong, mefuta le thuso kgotsa tshedimosetsong, mokgwa o o tseneletseng le boikatiso jo bo siameng. Mefuta ka mefuta e e tseneletseng e teng. Mme maitlhomo e nne a le mangwe fela: go tlhaloganya seo Modimo a se neelang le go re ruta ka moo re tshwanetseng go dirisa seo a re se neetseng le go Mo galaletsa ka sone. Mo bukeng e ga re tle go dirana thata ka mefuta jaaka tshedimosetso ya mokgwa wa molao le go ikatisa go go isang ko thanolong eo e isegang ya Beibele.
Le fa go le jalo, tshedimosetso le melao e tla se go direle tiro. Di thusa ka go atlenegisa maitlhomo a rona. Ke tseo di re lemotshang le go re thusa go se fapoge tseleng eo go leng puisanong e e leng ya nnete ka puo ya botho.
MEFUTA YA GO KA SIMOLOLA
1. Baya nako ya go ithuta; e beye go ya ka lenaneo le gore go se nne le sepe se se botlhokwa seo se ka thibelang se.
2. Baakanya lefelo. Go a thusa go nna le Maemo a a isegang le lefelo leo le tla tlisang tlwaego ya go rata go ithuta.
3. Batla di didiriswa. Babalela Beibele eo o e dirisang. O ntse o bapisa pharologanyo eo e le teng ya thanolo eo e tseneletseng. Refosanya mafoko go tlisa seo se tokafetseng mo tlhaloganyong. Tumalano ya mafoko e tlisa bokao le netefatso mo temaneng. Batla Beibele e e kwadilweng ka dikarolwana. Itlhokomolose eo e kwadilweng kwa ntle le dikarolwana.
Fa o dirisa ya mofuta o, o nne kelotlhoko go lemoga gore dikgaogano tsa mafoko di simolola kae. Se bale temana e nngwe le e nngwe jaaka eo e ikemetseng. Bala mafoko otlhe gape. O bale le bo kopano jwa one go ya ka moo mokwadi wa one a tsweletsang ka teng. O tla itemogela menagano e mentsi eo e fosagetseng ka ntlha ya go leka le go diragatsa temana e le ngwe ka mokgwa oo mokwadi wa yone a sa e lebisang gone.
Ditlhalosi tsa Beibele di tla thusa le ka dinako tse dingwe ga di tlhalose sentle. Dibuka tsa patlisiso tseo motho a di dirisang di tota di sena tekano. Dibuka tsa Beibele tsa go tshwarega ka dinako tsotlhe di abelana ka kitso eo e tseneletseng ya buka e nngwe le e nngwe ya Beibele eo e tla tlisang kitso e e isegang go mmadi le go mo itumedisa.
4. Diragatsa leano; le go baya pele maitlhomo. Dira gore se e nne seo se tseneletseng le go nna seo se tlhaga.
5. Kwala dipolelwana tseo di botlhokwa Neela ka buka ya dipolelwana tseo di botlhokwa kgotsa di tshwara dipampiri e le go boloka le go somarela dipolelwana tseo o di kwadileng go di ithuta.
6. Neela ka tshisibalo e e lekaneng. Dira ka natla le ka go kgwatlhella.
7. Tlhagisa gape le go diragatsa seo o se ithutileng.
8. Batla le go siamisa diphoso tsa gago fa o ntse o balela go ya pele e le go re o itsweletse.
9. Ithute ga mmogo. Go tota go le botlhokwa e bile go thusa go ithuta Beibele le Bakreste ba bangwe. Re e tlhaloganya botoka le go fetisisa fa re leka go thusa ba bangwe lebelela ka moo mokwadi a dirisetseng puo ka teng. Go eletsa kgotsa go tshesegela go thusa o mongwe le o mongwe le go fetsa go tlisa pheletso ya Mokreste o o matlhagatlhaga mo maitlhomong le go mo tlhotlheletsa go tswelela pele fa tiro e lebega e le e e tla itlhokomoloswang. Ke maitlhomo le maikaelelo a Modimo gore re ithute le go tsaya maiteko ka go diragatsa dithuto tsa Gagwe ka go nna le botsalano go o mongwe le o mongwe.
MOKGWA O O SIAMENG LE MAITLHOMO
1. Eletsa go itse seo Beibele e se rutang.
2. Solofela go bona seo se utlwisisegang le go nna le bokao. Ikaelele go ithuta le go dirisa seo Modimo a se re neileng. Dirisa botlhale jwa gago go lemoga boamaruti jo bo ngwe le jo bo ngwe. Ka moo o kgobokane menagano otlhe mo kelelong ya gago le dintlha tseo di botlhokwa e le go aga le go godisa tseo di akareditsweng.
3. Tlhotlheletsega gore go nne seo se tshwanetseng go nna le go bua seo o tshwanetseng jaaka bokao bo tlhalosa. O tshwanetse ka botlhale go babalela kitso kgotsa tlhaloso ya gore Beibele ke Lefoko la Modimo, mme ga re a tshwanela go le bala ka maitlhomo a gore re tla atlhola nnete kgotsa boamaruri jwa Lefoko la Modimo, re ganane le seo re sa se batleng le go gana go ithuta go tswa go lone seo re sa se itseng go tlogeng tshimologong. Re ka se bolelele Modimo gore O siame kgotsa ga a siama. O tshwanetse go bolelela rona.
4. Nna le botho le botshepegi gore o se ganane ka gope le Lefoko la Modimo le seo Beibele e se buang kgotsa e rutang ka sone, kgotsa go kgapela kwa thoko bokao jwa yone. Re tshwanetse gore e nne rona bogolo re latlhegelwang ke go itshepa go na le go palelwa ke go tshepa le go utlwisisa molaetsa o mongwe le o mongwe o o tswang Beibeleng.
5. Batlisisa bonnete Pele ga o tla nna le ponelopele kgotsa dintlha go ya ka wena. O se ka wa tlhagisa kgangkgolo o be o lebelelela mafoko a yone fela le dintlha tseo di dumalang le polelo ya gago.
6. Batla dikarabo tsa dipotso go tswa mo Beibeleng. O e bale ka kelotlhoko. O seka wa itumedisiwa ke setso segolo jang fa se ikeegile ka temana e e sa itlwisisegeng.
7. Nna le boipelo gore se ke nnete e bile e le seo se sa fetogeng le go itumedisa gore se tlhalogangwe ka moo re bale ka bopelotelele re nale tsholofelo ya go tlhaloganya le go tlisa tsotlhe bongweng.
8. Elatlhoko gore se ke kgolagano go tswa go Modimo gore re amogele, go tshela ka yona le go itshekega ka yona go direla gore re nne le bokamoso jo bo isegang jwa borua boswa.
9. Lemoga gore bakwadi ba Beibele ba ne ba na le bokao joo ba bo lebisetseng, joo re tshwanetseng go bo latesisa. O mongwe le o mongwe o nale tshwanelo ya go batla maitlhomo a bokao jwa mokwadi mme ga se tshwanelo gore mongwe a neele ka bokao jo bo farologaneng. Bokao jwa ntlha tshimologong ga bo fetoge le fa kutlwisiso ya rona e le e e tlisang tswelelopele, kgotsa tiriso ya mafoko a jone le dipolelo e tla nna tse di farologaneng. Fa mafoko ao a dirisitsweng go ranola Beibele (kgotsa go neela bokao) a fetoga bokao mo bathong bao re buang ka bone, ka moo re tshwanetse go kgetha mafoko a mangwe ao re tla a dirisang go tlhalosa le go boloka ka mokgwa o o tseneletseng bokao jwa ntlha jwa tshenolo ya Modimo.
THANOLO EO ELENG YONE KE EFE? -
Ke eo mokwadi a ikaelelang go e tlhalosa. Maitlhomo a rona ke go buisa seo re se tlhagiseditsweng ke yoo o naleng tlhaloso go tsweng go ene. Santlha sa pele re seka re a nagana ka keletso ya rona kgotsa seo Lefoko le se dirang go rona mme re diragatse ka manontlhotlho puo ya mokwadi eo ka yone a re abelang boamaruru le tlhaloganyo. Thanolo ga e tlise kutlwisiso le go tlhalosa (bonneteng e seng go fetola) seo mokwadi a se buileng; e tlisa molaetsa go rona. Go batleng pele kgangkgolo ya molaetsa e tla nna eo e eletsegang fa re sena go e bala; se, se tla re natefaletsa gore a re tota re bala sentle. Boamaruring ke gore thanolo ke go buisa seo mokwadi a se kwadileng.
Bogolo jang seo se bediwang "thanolo" ya Beibele se itshetlegileng ka se se sa netafalang gore se ka dirwa tlhotlhwa gonne se sa tlholose ka tlhamalalo le go nepagala ka seo re tshwanetseng go se dumela kgotsa go se utlwisiwa. Banna ba lekile go batla go latelelana ga mafoko a yone e le "bokao" jo bo farologaneng le jo bo ntshitsweng kgotsa tlhalositsweng. Bangwe ba banna ba ke bao ba e ganang le gore ga se tshenolo e kgolo GO TSWA Modimong. Ba "ranola" polelwana e e botlalo jaaka seo se begiwang se sa diragala mme e le kgang e e se nang bo nnete mme e le e e bonatshegang, bokao joo le jone bo tshwanetswe go tseelwa tshwetso go tsweng kitso e e nonofileng e seng go ya ka polelo e e botlalo ya bakwadi ba tsa Beibele. Mofuta o, wa "thanolo" o simolola ka go ganwa ga boikarabelo le bokao jo bo tlhalosegang, ka moo bo dire seo se iseng se dirwe.
Go nale bangwe bao ba dumelang gore Beibele e nale tshimogolo eo e tseneletseng le bokao joo bo fitlhegileng go fetisisa ka moo e tlhalosegang ka teng ka puo ya one. Thanolo e nngwe le e nngwe e tota e sa itshetlega fa e tsaya kgotsa e tla ka bokao jo bo ngwe go tswa kwa ntle ga padi le go tiisetsa pading boemong jwa go batla mafoko a molaetsa wa mokwadi.
RE LEMOGA JANG MAITLHOMO A MOKWADI? -
O re a tlhalosetsa ka mafoko a e leng a gagwe a le mo setshwanong sa dipolelo (mafoko a beilwe ka tatelano gape a itsalanya ka bo one), le ka tatelo ya maitlhomo a tsepameng ka teng. Re tla tokafatsa megopolo ya rona ka maitlhomo a mokwadi le go itse seemo se a mo go sone le go tlhaloganya maikaelelo kgotsa maitlhomo a go kwala ga gagwe. Re tla leka go tlhomama ga maitlhomo a rona ka go bapisa dikarolwana tsa mafoko a a tsamaisanang - le mafoko a a mo kgangkgolong ka go lekana boleng jwa one.
Thanolo eo e nepagetseng ke eo e tshwanelang mokwadi, maitlhomo a mmadi, ka moo seemo se tlhagisiwang ka tena, mafoko ao a dirisitsweng, dikapuo tseo di dirisitsweng mo dipolelong tsa makwadi, go ya ka kgopolo, papiso eo e nepagetseng eo a e dirisang go tlhalosa, Lekwalo ka kakaretso. Fa re fitlhela bokao joo bo tshwanelang ka tomamo e le jo bo lebegang bo siamelana dipaka tsotlhe, re tlelwa ke maikutlo a go re ke thanolo e eleng e e nepagetseng kgotsa e e batlegang, re dumele yona fela. Thanolo efeng kapa efe eo e sa nepagalang e tlisa pelaelo kgotsa go etsaetsega.
Thanolo eo e balwang ka tlhomamo ya go buisa mokwalo wa makwadi e tshwana le motshameko wa go "latela moetapele." Fa re sala ka tomamo tsela eo a e tseileng re arologana kitso ya gagwe. Re fetoga go nna moetapele o mongwe go nale go nna molatedi yo o tshepagalang. Fa re tsamaya ka maitlhomo a rona go nale go latela a mokwadi re feleletsa re ikwaletse padi ya rona e le go tsaya kgaisane le ene. Re dirise mafoko a gagwe go fitlhelela seo re se ikaeletseng go nale go sa nepagalang ga bokao jwa gagwe, go sa tsenenang ga jone, go sa tlhalefang ga jone le go sa itekanelang ga jone. Leka ka thata go se fapoge mokwadi. Go itse moetapele go fetisisa le maitlhomo ao o a fitlheletseng, ka moo o kgona go mo sala morago ka go fetisisa.
MEKGWA EO E KA THUSANG LE MAITEKO -
1. Ithute buka pele ga o ka tsenelang teng ga yone. Batlisisa pele gore e ka tswa e kwadilwe ke mang go tswa tshimologong ya yone. E ne e kwalelwa mang? Leng? E le ka lebaka la eng? Go emelana le maemo afeng? Go tsweng kgolaganong efeng kgotsa nako efeng ya mohau o mogolo?
2. Buisa ka tekanyo e e tseneletseng, o sekaseke buka ka bophara go bona setlhogo seo se e tshwanelang go dira le sone, le baka kakaretso la go se akaretse, tlhagiso e kgolo le maitlhomo a magolo a tshobokanyo ya tsotlhe le tlhagiso ya maitlhomo a mokwadi ka ga buka.
3. Dira tshobokanyo ya karolo kgotsa dikarolwana tseo di botlhokwa le mmila oo o tokafetseng.
4. Buisa karolo go batlana le dipotso tseo di ka arabiwang. Kwala dipotso tseo o be o batlana le dikarabo tsotlhe tseo di tla bonagalang fa o di batlisisa. Sekegela mafoko mangwe le mangwe, ao a naleng bokao kgotsa motswako kgotsa maitlhomo ao a leng thata go tlhalogangwa go direla gore o a batle mo bukeng eo e abelanang ka kitso gape o tla nna o ntse o a batla fa o tsweletse o a buisa kgotsa o a sekaseka le baithuti ba bangwe.
Tlhokomela matshwao a puiso o be o sala tsamaiso ya puo morago ga polelo eo e kwadilweng, e seng mafoko mme dipolelo ka e le tsone tseo di na leng bokao jo bo tseneletseng. Bokao le kgatelelo ya lefoko e amangwa ka bokopano joo e naleng jona le mafoko a mangwe ka maitlhomo a mokwadi nakong eo le bo kwa thoko joo a naleng jona ka makgeto a mangwe le a mangwe. Mafoko ke ditene le dibokoso tseo ka tsone ntlo eo e naleng bokao e agegang ka tsona; tiriso ya puo ke sesigi kgotsa sekopanyi seo ka sona di kopangwang go aga ntlo e e bonalang. Seo mokwadi a naganang ka sone ka go bolela ga mafoko a gagwe se fitlhelwa ka mokgwa wa titiso ya gagwe ya puo, eo a e dirisitseng. Popego ya polelo ya gagwe le yone e bontsha ka moo a ikutlwang ka teng ka dilo tseo a buang ka tsone.
Batla mokgwa oo a naganeng ka one, karolwana eo e kgethegileng eo a naleng yone jaaka e le maitlhomo kgotsa maikutlo a gagwe. Boloka megopolo ya gago mo sebeong seo mokwadi a go buletseng sona ka dipolelo tsa gagwe tseo a di kwadileng le maitlhomo a gagwe.
Nngwe ya dintlha tse di tlhotlhwa tsa go leka go ithuta buka e nngwe le e nngwe kgotsa go ithuta karolwana ya one ke fa o e sobokanya o be o kwala ka seo o batlang go se tlhalosa segolo bogolo. Ka moo tswelela ka go tokafatsa tshobokanyo le go atolosa bokao jo bo farologaneng go tlhalosa sotlhe seo mokwadi a se buang kgotsa a se tlhagisang ka maikaelelo a le mangwe le go tlisa tshwaelo mo go seo.
A Beibele e itlhalose ka bo yone. Tokafatsa kutlwisiso ya gago ya lefoko ka go batlisisa bokao jotlhe jwa lone le ditlhaloso tseo di mo Beibeleng, o ntse o sekega dipharologano tse di magareng ga dikarolo tseo di kgaogantsweng mo pading, gape o seka wa gopola gore lefoko le tla tlholosa selo se le sengwe gangwe le gape. Tlaleletsa kitso ya gago ka nngwe ya dikgaolo tsa padi gore kgaolo e nngwe e raya eng ka kgangkgolo go tswa mo temaneng, o nne kelotlhoko o seka wa dirisa kgaolo e le nngwe go fitlhelela e nngwe o kgapele thoko gore e batla go bolela eng kgotsa go tlhalosa sengwe. A karolo e nngwe le e nngwe ya lekwalo e tlhalose seo e tshwanetseng go se tlhalosa kgotsa go se bua e le go tlaleletsa kitso ya rona ka ga setlhogo kgotsa kgangkgolo eo go diranwang le yone.
Tswelela ka go leka, o gole le go amogela kitso ka botlalo le boamaruri jo bo tseneletseng.
Subscribe to:
Post Comments (Atom)
No comments:
Post a Comment