Saturday, May 3, 2008

NKA TLHALOGANYA JANG?

2871 - Central Tswana

Ditiro 8:26-40

26. Jaanong moengel wa Morena a bua le Filipo a re: "Nonaga o ye kwa ntlheng ya borwa kwa tseleng e e tswang Jerusalema, e ya kwa Gasa;" ke sela e e senya.
27. A manoga a tsamaya, a ba a fitlhela monna mongwe wa Moethiopia teng, e le modiredi le tona ya ga Kantase, kgosi ya sesadi ya Baethiopia, yo o neng a okametse khumo yotlhe ya gagwe. O ne a tsile kwa Jerusalema go obamela teng.
28. Jaanong a boela gae ka koloi ya gagwe, a buisa lokwala lwa moporofeti Jesaya.
29. Mowa wa raya Filipo wa re: "Yaa o kopane le koloi ele!"
30. Filipo a tabogela teng, a mo utlwa a busia moporofeti Jesaya, a ba a re: "A o tlhaloganya se o se buisang?"
31. Ene a re: "Nka tlhaloganya jang, fa ke sa tlhalosediwe ke ope?" Aba a rapela Filipo gore a pagame, a nne nae.
32. Kgaolo e a neng a e buisa e ne e le e e reng. "O ne a gogelwa tlhabong jaaka nku; a se ka a bula molomo wa gagwe jaaka kwana e didimetse fa pele ga mmeodi wa yona.
33. Ya re ka a le mo boikokobetsong, a timiwa katlholo e e siameng; losika lwa gagwe lo tla bolelwa ke mang? Gonne bophelo jwa gagwe bo tlosiwa mo lefatsheng."
34. Jaanong modiredi a botsa Filipo a re: "Ke a go rapela, moporofeti o bua jalo ka ga mang, a ke ka ga gagwegongwe ka ga mongwe o sele?"
35. Ke fa Filipo a tswa molomo, a simolola ka lokwalo loo, a mo rerela Efangele ya ga Jesu.
36. Ya re ba ntse ba tswelela pele mo tseleng, ba fitlha fa metsing mangwe, mme modiredi a re: "Bona, metsi ke ale; ke kgorelediwa ke eng go ka kolobediwa?
37. Filipo a araba a re: "Fa o dumela ka pelo yotlhe, go ka nna jalo." Ene a araba a re: "Ke dumela gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo."
38. Jaanong a laola gore koloine eme, ba fologela kwa metsing ka bobedi jwa bone, Filipo le modiredi, mme a mo kolobetsa.
39. Ya re ba tswa mo metsing, Mowa wa Morena wa tlosa Filipo, mme modiredi a se ka a tlhola a mmona; fela a tswelela mo tseleng ya gagwe ka boitumelo.
40. Filipo a fitlhelwa kwa Ašetote, a eta a ntse a rera Efangele mo metseng yotlhe, ga tsamaya a fitlha kwa Kaisarea.

No comments: