Saturday, May 3, 2008

KE TSHWANETSE GO DIRANG GORE KE PHOLOSIWE?

1802 - Tswana

Arranged in the very words of Inspired Men.

1. DUMELA mo go Morena Jesu, mme o t1a pholosiwa (Ditiro 16:30,31). Mme ga go kgonege go o kgatlha kwa ntle ga tumelo; gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o teng 1e gore ke ona moduedi wa ba ba o batlang (BaHebere 11:6). Yo o sa dumeleng ene o t1a atlholwa (Mareko 16:16). Gonne fa lo sa dumele gore ke nna ena, lo tla swela mo dibeng tsa lona (Johane 8:24). Tumelo le yona jalo, fa e le yosi, e se na ditiro, e sule (Jakobo 2:17).
2. TLHABOLOGANG, mme a mongwe le mongwe (Ditiro 2:38). Mme fa lo sa sokologe, le lonalo tla nyelela jalo lotlhe (Luka 13:3,5). Modimo ... mmc jamong o laela batho botlhe mo ntlheng tsotlhe go tlhabologa (Ditiro 17:30). Jaanong ke go re: baditshaba lebone Modimo o ba neile tlhabologo e e isang bophelong (Ditiro 11:18).
3. IPOLELA ka molomo go isa pholosong (BaRoma 10:10). Gonne fa o ipolela ka molomo o re, Jesu ke Morena, o dumela ka pelo gore Modimo o mo tsositse mo baswing, o tla pholosiwa (BaRoma 10:9). Jaanong mongwe lr mongwe yo 0 tla impolelang fa pele ga batho, le nna ke tla mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa magodimong (Matheo 10:32). O Keresete Morwa Modimo o o phelang (Matheo 16:16). Ke dumela gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo (Ditiro 8:37).
4. KOLOBETSONG: Ke ona a le lona a lo pholosang kajeno kolobetsong (I Petro 3:21). Yo o dumelang, a ba a kolobediwa, o tla pholosiwa (Mareko 16:16). Fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka kc a tsena mo pusong ya Modimo (Johane 3:5). Mme e le ka fa boutlwelongbotlhoko jwa ona ka tlhapo ya go tsalwa gape le ka ntshwafatso ya Mowa o o Boitshepo (Tito 3:5). Tihabologang, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe ka leina la ga Jesu Keresete go bona boitshwarelo jwa dibe tsa lona (Ditiro 2:38). Nanoga o kolobediwe, o be o tlhapisiwe dibe tsa gago o ntse o bitsa leina la gagwe! (Ditiro 22:16). Gonne lona lotlhe ba lo kolobeditsweng mo go Keresete (BaGalata 3:27). Kolobeleditswe loso lwa gagwe? (BaRoma 6:3). Ka moo he, fa motho a 1e mo go Keresete, o a bo a le sebopiwa se seswa (II BaKorinthe 5:17).
MME RE PHELE KA TEKANO LE KA TSHIAMO le ka borapedi mo lefatsheng leno,re ntse re lebeletse lesego la tsholofelo,mle ponatshego ya kgalalelo ya Modimo o mogolo le ya ga Keresete Jesu Morepholosi yo o re ineeletseng losong gore a re golole mo tshiamololong yotlhe a, be a itshekise batho gore e nne ba gagwe ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo (Tito 2:12_14).
Ke a lo boka, ka lo nkgopola mo go tsotlhe, e bile lo tshe~editse ditayo ka fa ke di lo laetseng ka teng (I BaKorinte 11:2).
BOPELOTLHOMOGI jwa Morena Jesus Keresete a bo nne le lona lotlhe! Amen (Tshenolo 22:21 ).
Go sego ba ba tlhatswang diaparo tsa bone gore ba nne le tshiamelo mo setlhareng sa bophelo, ba tseng mo motseng ka dikgoro (Tshenolo 22:14).

Arranged by J.D.Phillips

No comments: